Jump to content

Wq/tn/Lisa Folawiyo

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Lisa Folawiyo
Lisa Folawiyo Designer in 2017

Lisa Folawiyo (o tshotswe ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a supa le metso e merataro (1976) ke motlhami wa feshene wa kwa Nigeria.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • Ke ne ke tsena mo lefelong le ke neng ke sa le itse. Mme ka ntlha ya go rata feshene le go rata se ke neng ke tlile go se dira, tota ke ne ke sa itse sepe. Ke ne ke sa thapisiwa ka tsela epe e e tlhomameng kana ke se na maitemogelo mo tirong eno. Ke ne ka tlhotlhelediwa ke go bo ke ne ke e rata, ke ikemiseditse go e wetsa mme ke akanya gore ke ne ka tlhotlhelediwa ke go bo ke ne ke le "seeleele".
    • [1]
    • Polelo e e tserweng mo puisanong ya gagwe e e gopotsang ka fa a simolotseng ka teng.
  • Dilo tse di ntiragaletseng mo botshelong, dingwaga tsa me, tsela e ke lebang botshelo ka yone, dilo tse ke di tlhokang le tse ke di batlang tse di ntseng di fetoga ka metlha di dirile gore ke dire fela jalo. Mme ga go pelaelo gore seno se bonala mo go sengwe le sengwe se ke se dirang. Mo godimo ga moo, jaaka motlhami wa diaparo, ke tshwanetse go tsamaisana le dinako le ditlhokego le dikeletso tsa feshene tse di fetogang tsa setšhaba.
    • [2]
    • Mafoko a a tserweng mo puisanong ya gagwe ka gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore a tswelele a gola le go fetoga.
  • Fa o itse gore ponelopele ya gago ga e a diragadiwa, fa go na le dilo tse dintsi tse o ka di fitlhelelang, fa ka dinako tse dingwe o sa di lemoge, fa o itse gore ke eng se se dirang gore kgwebo ya gago e atlege, fa o itse gore ke eng se se dirang gore o nne le kgatelelo ya maikutlo go feta dilo tse dingwe, o ka emisa jang? Ga o ka ke wa dira jalo.
    • [3]
    • Mafoko a a tserweng mo puisanong ya gagwe ka dinako tse a neng a ikutlwa a batla go ineela.
  • Nna le pono ya gago, itse boammaaruri jwa gago, o bo ngaparele mme o bo latele.
    • [4]
    • Mafoko a a tserweng mo puisanong ya gagwe a kgothatsa bagwebi ba ba sa ntseng ba gola ba basadi ba ba dirang feshene.

Ngwaga wa dikete tse pedi lesome le metso e supa(2017)

[edit | edit source]
  • Batho ba le bantsi go fitlha jaanong ba akanya gore go motlhofo go tswa mo go yone. Ba re 'o setshwakga, gongwe ga a dira sentle kgotsa o a sotliwa.' Batho ba ba sa tswang go tswa kwa sekolong, batho ba re ba reng " oh batsadi ba gagwe ba ka tswa ba na le madi a mantsi thata gore a ka dira se a se batlang. "Kgotsa "monna wa gagwe o na le madi a mantsi thata, ke selo se a se ratang thata". Batho ba le bantsi ba ile ba bua jalo mme ba sa ntse ba bua jalo. E a fetoga ka gonne gongwe batho ba kwa Nigeria ba a bona gore e ka kgona go dira dilo tse dintsi.
    • [5]
    • Kinolo e e tserweng mo puisanong ya gagwe ka ga setšhaba sa Nigeria se se atlholang basetsana ba ba tlhophang go nna batlhami.
  • Go dira diaparo ke tiro e motho a e dirang ka boene e bile ke madirelo. Jaaka motlhami, o na le kgwebo ya gago mme o kgona go e laola. Eleruri ke nngwe ya dilo tse di bokete go gaisa tse motho a ka di dirang mme le ka motlha ga e a tshwanela go itlhokomolosiwa.
    • [6]
    • Mafoko a a tserweng mo puisanong ya gagwe ka ga bokgoni jwa madirelo a feshene.
  • Ke ikutlwa e kete o ka nna motho yo o nang le bothata jwa tlhaloganyo ka tsela e o lebegang ka yone, ka malatsi mangwe ke batla go lebega ka tsela e e rileng mme fa o mpona mo letsatsing le le latelang, ke ka nna ka bo ke farologane gotlhelele.
    • [7]
    • Mafoko a a inotsweng mo puisanong ya gagwe a a buang ka go nna le setaele.
  • Ke lebogela mafelo a a thusitseng go godisa letshwao la rona le go re bulela dikgoro. Fa e ne e se ka di-platform tseno gongwe nka bo ke se kwa ke leng teng gompieno mme gongwe nka bo ke sa bonale thata jaana.
    • [8]
    • Tshupiso e e tserweng go tswa mo puisanong ya gagwe e e tlotlomatsang beke ya feshene le ya go tlhama ka go tlhatlosa maemo a batlhami ba feshene.

Ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020)

[edit | edit source]
  • Kokoanyo nngwe le nngwe e e dirilweng ke tlhaloso ya segompieno ya karolo ya setso sa rona, hisitori ya rona kgotsa dingwao tsa rona. Jaaka motlhami wa diaparo, ke ikaeletse gore mo thulaganyong nngwe le nngwe, mosadi wa Mo-Nigeria kgotsa wa Mo-Afrika a kgone go ipona le maitemogelo a gagwe mme a itse gore a ka nna motlotlo le go keteka kwa a tswang teng.
    • [9]
    • Kinolo e e tserweng mo puisanong ya gagwe ya gore a o tlhotlhelediwa ke ngwao-boswa ya gagwe ya setso kgotsa ke basadi ba Nigeria le ba Aforika.
  • Mosadi wa segompieno gompieno ke motho yo a batlang go nna ene. Mme o kgona go apara sengwe le sengwe se a se batlang. Tsela e a tlhophang go apara ka yone ga e laolwe kgotsa ga e laolwe ke nako e e rileng kgotsa mokgwa o o rileng. A ka nna a tlhopha go leba ka tsela e e rileng gompieno mme ka moso a bo a leba ka tsela e sele. O a itse gore ke mang, o na le maatla e bile o a itshepa. Mo godimo ga moo, o gololesegile.
    • [10]
    • Mafoko a a tserweng mo puisanong ya gagwe ka ga mosadi wa segompieno mo Nigeria.
  • Feshene ke puo e e buiwang ke batho botlhe mme ga e a tshwanela go nna le melelwane epe ya mafelo.
    • [11]
    • Kinolo e e tserweng mo puisanong ya gagwe ka batlhami ba Aforika ba ba amogelwang mo intasetering ya feshene ya lefatshe.
  • Le fa e santse e lekanyeditswe ke dikgwetlho tsa mafaratlhatlha jaaka tlamelo ya motlakase, go tlhoka katiso e e lekaneng ya difeshene le ditlamelo tsa thuto, le go tlhoka thuso e e lekaneng ya madi le tshegetso go tswa mo pusong ya rona, intaseteri e santse e gatela pele thata.
    • [12]
    • Mafoko a a tserweng mo puisanong ya gagwe ka dikgwetlho tsa madirelo a feshene ya kwa Nigeria tse di tswelelang mme di dira gore madirelo a nonofe.

Dikgolagano tsa kwa ntle

[edit | edit source]